Luke 23

Jesu fa pele ga ga Pilatwe

1Mme Lekgotla lotlhe la tseela Jesu kwa go Pilatwe wa molaodi. 2Mme ba simolola go mmaya molato ba re: “Motho yo o ntse a timetsa batho ba rona ka go ba raya a re ba se ka ba ntshetsa mmuso wa Seroma makgetho ebile o ipitsa gore ke Mesia wa rona, Kgosi.”

3Mme Pilatwe a mmotsa a re, “A o Mesia wa bone, Kgosi ya bone?” Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bua.”

4Mme Pilatwe a retologela kwa baperesiting ba bagolo le kwa lesomong la batho a re, “Moo ga se molato!”

5Ba kgobega marapo ba re, “Mme o tsosa dipheretlhego kgatlhanong le mmuso gongwe le gongwe kwa o yang teng, mo Judea otlhe, go tswa Galalea, go ya Jerusalema!”

Jesu fa pele ga ga Herode

6Pilatwe a botsa a re, “A ke Moga lalea?”

7Mme ya re ba dumela, Pilatwe a re ba mo ise kwa go Kgosi Herode, gonne Galalea o ne a le ka fa tlase ga taolo ya ga Herode, mme Herode o ne a le mo Jerusalema ka lobaka loo. 8Herode o ne a itumelela sebaka seo sa go bona Jesu, gonne o ne a mo utlwaletse thata mme a solofetse go bona a dira kgakgamatso.

9A botsa Jesu dipotso ka go latelana, mme a se ka a fetola.

10Mme ya re ka lobakanyana loo, baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ba goa ba eme foo ba mmaya molato.

11Mme Herode le masole a gagwe ba simolola go sotla Jesu ba mo tshega; ba mo apesa seaparo sa segosi, ba mmusetsa kwa go Pilatwe. 12Mme ya re letsatsi leo Herode le Pilatwe ba ba kileng ba ne ba tlhoane pele, ba nna ditsala tse dikgolo.

13Mme Pilatwe a phutha baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta le batho, 14a bolela mogopolo wa gagwe a re, “Lo ntereditse monna yo, lo mmaya molato ka go tsosa khuduego kgatlhanong le mmuso wa Se-Roma. Mme ke mo tlhatlhobile sentle mo ntlheng e mme ga ke mmone molato ope. 15Herode le ene o mmuseditse kwano go rona, a sa mmona molato o o tshwanetseng loso. 16Jalo ke tlaa mo kgwathisa ka thupa e e mitlwa, ke bo ke mo golola.”

17
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 23:18.
18
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 23:17-18.
Mme modumo o mogolo wa tsoga mo bathong ka lentswe le le lengwe ba re, “Mmolaye, o re gololele Barabase!”
19(Barabase o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya go simolola dipheretlhego mo Jerusalema kgatlhanong le mmuso le go bolaya batho). 20Mme Pilatwe a ganetsanya nabo, gonne o ne a batla go golola Jesu.

21Mme ba goa ba re, “Mmapole! Mmapole!” 22A bo a bua le bone la boraro a kopa a re, “Ka ntlha yang? O dirile molato ofe? Ga ke a bona lebaka lepe la go mo atlholela loso. Mme ke tlaa mo kgwathisa ke bo ke mo lesa a tsamaya.” 23Mme ba goela kwa godimodimo gore Jesu a bapolwe, mantswe a bone a bo a fenya.

24Mme Pilatwe a atlholela Jesu loso jaaka ba lopile. 25Mme a golola Barabase, ka fa kopong ya bone, monna yo o neng a tshwaretswe go feretlha le go bolaya batho. Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore ba mo dire ka fa ba ratang ka teng.

Jesu o a bapolwa

26Mme ya re bontsi jwa batho bo isa Jesu kwa o neng a ya go bolaelwa teng, ba bona Simone wa Mokurene yo e neng e le gone a gorogang mo Jerusalema a tswa kwa dikgaolong, mme ba mo pateletsa go ba sala morago, a sikere mokgoro wa ga Jesu. 27Bontsintsijwa batho jwa mo sala morago, le basadi ba le bantsi ba ba neng ba mo lelela ka kutlobotlhoko.

28Mme Jesu a retologa a ba raya a re, “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, iteleleng lo bo lo lelele bana ba lona. 29Gonne malatsi a e tla, a basadi ba ba senang bana ba tlaa bidiwang ba ba sego tota. 30Batho ba tlaa lopa dithaba gore di ba wele di ba sugakanye le maje gore a ba khurumetse. 31Gonne fa dilo tse di ntseng jaana di dirwa mo go nna Setlhare sa Botshelo, lona ba tlaa lo dira jang?”

32
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 23:33.
33
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 23:32-33.
Dinokwane tse pedi di ne tsa tlisiwa go ya go bolawa nae kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka boraro jwa bone ba bapolwa, Jesu a le mo mokgorong o o fa gare, dinokwane tse pedi di le mo ditlhakoreng.

34Mme Jesu a re, “Rara, itshwarele batho ba, gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola. 35Batho ba lebelela. Mme Baeteledipele ba Sejuta ba sotla. Ba re, “O ne a siame thata go thusa ba bangwe, a re mmoneng a ipoloka fa e le gore ke ene tota yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Mesia.”

36Mme masole le one a mo sotla ka go mo nosa seno se se botlha sa mofine. 37Mme ba mo tlhaeletsa ba re, “Fa o le kgosi ya Bajuta, ipoloke!”

38Kitsiso ya pegwa mo mokgorong fa godimo ga gagwe ka mafoko a, “Yo ke Kgosi ya Bajuta.”

39Mongwe wa dinokwane yo o neng a pegilwe go bapa nae a sotla a re, “Wa re o Mesia, a ga o ene? Itshupe ka go ipoloka le rona o re boloke.” 40
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 23:41.
41
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 23:40-41.
Mme senokwane se sengwe sa re, “A le Modimo ga o o boife, le fa o o swa? Re tshwanetse go swa ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di bosula, mme monna yo ga a a dira sepe se se molato.”
42Mme a re, “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago!” 43Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.

Go swa ga ga Jesu

44Mme ya bo e setse e le motshegare wa sethoboloko; ga nna lefifi mo lefatshing lotlhe selekanyo sa oura tse tharo, go fitlha ka nako ya boraro. 45Letsatsi la fifala, mme ka tshoganetso sesiro sa Tempele sa gagoga ka bogare.

46Mme Jesu a goa a re, “Rara, ke go neela mowa wa me.” Mme ka mafoko ao a swa.

47Ya re molaodi wa masole a Se-Roma yo o neng a laola polao ya bone a bona se se diragetseng, a tlelwa ke poifo fa pele ga Modimo a re, “Ruri monna yo o ne a sena molato.”

48Mme ya re bontsintsi jwa batho ba ba neng ba tsile go bona papolo ba bona Jesu a sule, ba boela magaeng ka kutlobotlhoko e kgolo.

49Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tla tlogang se direga ba goa ba re “Morena, a re ka lwa re tsile le dichaka.”

Go fitlhwa ga ga Jesu

50
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 23:52.
51
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 23:52.
52
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 23:50-52.
Mme monna mongwe yo o bidiwang Josefa, leloko la Kgotla Kgolo ya Sejuta, wa motse wa Arimathea mo Judea, a ya kwa go Pilatwe a mo kopa setopo sa ga Jesu. E ne e le monna yo o boifang Modimo yo o neng a ntse a lebeletse go tla ga Mesia ebile o ne a ise a ke a dumalane le maikaelelo le dikgato tsa baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.
53Mme a folosa mmele wa ga Jesu a o phuthela ka letsela le le leele la lene mme a o baya mo lebitleng le lesha le le iseng le ke le dirisiwe, [le gabilwe mo lefikeng mo mhapheng wa thaba]. 54Mo go ne ga diragala ka Labotlhano mo tshokologong ka letsatsi la iketleetso ya Sabata.

55Mme ya re setopo se tsewa, basadi ba ba neng ba tswa Galalea ba se sala morago, ba se bona se tsenngwa mo phupung.

56Mme ba ya magaeng go ya go baakanya malao le ditlolo go dibela setopo; mme ya re ba fetsa ga bo go le Sabata. Hong ba itapolosa letsatsi leo lotlhe ka fa molaong wa Sejuta.
Copyright information for TsnLEF